LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Gompieno

Labotlhano, November 14

A bontle jwa lona e se ka ya nna jwa ka fa ntle.​—1 Pet. 3:3.

Go nna tekatekano go tla re thusa gore re amogele gore ga re lebe dilo ka go tshwana. Ka sekai, bokgaitsadi bangwe ba rata go itshasa makeup, mme ba bangwe bone ga ba o rate. Bakeresete bangwe ba nwa bojalwa, mme ba bangwe ga ba bo nwe. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba dirisa mefuta e e sa tshwaneng ya kalafi. Fa re tsaya gore tsela e re dirang dilo ka yone ke yone e e siameng e bile re leka go pateletsa ba bangwe gore ba dire dilo jaaka rona, re ka ba kgopisa e bile re ka dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo phuthegong. (1 Bakor. 8:9; 10:23, 24) Ka sekai, Jehofa ga a re bolelele gore re apare eng. Go na le moo, o re neile melaometheo e e re kaelang. Re tshwanetse go apara ka tsela e e bontshang gore re direla Modimo. Gape diaparo tsa rona e tshwanetse go nna tse di tlotlegang, tse di “akanyeditsweng sentle” le tse di bontshang gore re tekatekano. (1 Tim. 2:9, 10) Ka jalo, ga re a tshwanela go apara ka tsela e e tla dirang gore batho ba re tlhome matlho. Gape melaometheo ya Baebele e tla thusa bagolwane gore ba se ka ba beela bakaulengwe le bokgaitsadi melao ya gore ba apare jang le gore ba baakanye meriri ya bone jang. w23.07 23-24 ¶13-14

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Matlhatso, November 15

Ntheetseng ka kelotlhoko, mme lo je se se molemo, mme lo tla itumelela go ja dijo tse di monate thata.​—Isa. 55:2.

Jehofa o batla gore re itumelele botshelo mo nakong e e tlang. Ba ba yang kwa ntlong ya “mosadi yo o sematla,” ba itumelela go dira boitsholo jo bo sa siamang. Dilo tse ba di dirang di tla ba tsenya “mo mpeng ya Lebitla.” (Diane 9:13, 17, 18) Ba ba yang kwa ntlong ya mosadi yo o botlhale bone, ba tlile go itumelela botshelo mo nakong e e tlang. (Diane 9:1) Re ithuta go rata se Jehofa a se ratang le go tlhoa se a se tlhoileng. (Pes. 97:10) Gape re itumelela go laletsa ba bangwe gore ba tle mo ntlong ya mosadi yo o botlhale. Re tshwana le batlhanka ba “ba tlhaeletsang ba le kwa mafelong a a kwa godimo a motse ba re: ‘Ope fela yo o se nang maitemogelo, a a tle kwano.’” Go tla mo ntlong ya mosadi yono, go tswela rona le ba ba re reetsang mosola. Mme ga go felele foo. Go tla re tswela mosola le mo nakong e e tlang. Go tla re thusa gore re ‘tshelele’ ruri fa re ‘tswelela re tsamaya mo tseleng ya tlhaloganyo.’​—Diane 9:3, 4, 6. w23.06 24 ¶17-18

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Sontaga, November 16

Motho yo o sa galefeng ka bonako o botoka go gaisa monna yo o maatla, e bile motho yo o laolang bogale jwa gagwe o botoka go gaisa yo o fenyang motse.​—Diane 16:32.

Go le gantsi re a tshoga fa re tshwanelwa ke go tlhalosetsa mongwe yo re berekang kgotsa yo re tsenang sekolo le ene gore re dumela eng. Mme gone, ga re a tshwanela go tshoga ka gonne fa motho a re botsa dipotso, re ka kgona go lemoga gore o akanya eng le gore o dumela eng, re bo re mo rerela. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe motho a ka re botsa potso e se ka gonne a batla go itse gore re dumela eng, mme e le ka gonne a batla go ngangisana le rona. Ga re a tshwanela go gakgamala fa seno se direga ka gonne batho ba le bantsi ba boleletswe dilo tse di seng boammaaruri ka rona. (Dit. 28:22) Mo godimo ga moo, Baebele e a re re tshela mo “malatsing a bofelo,” ka jalo batho ga ba “batle go dumalana le ba bangwe ka sepe,” e bile ba “bogale jo bo tshabegang.” (2 Tim. 3:1, 3) Gongwe o ipotsa gore ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa tseega maikutlo fa batho ba batla go ngangisana le wena ka dilo tse o di dumelang. Selo se se ka go thusang ke go nna bonolo. Motho yo o bonolo ga a galefe ka bonako, e bile o kgona go itshwara fa batho ba mo rumola kgotsa fa a sa itse gore a arabe a reng. w23.09 14 ¶1-2

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela